Mo kgweding ya Phuki e tlhol malatsi a le mabedi re ile ra buisana le Tshepo Seagiso a.k.a Bugzito yo eleng modiragatsi mo television ebile ele seopedi sa mmino wa hip hop. Re mo tshepisitse pisano morago ga gore re mmone mo setshwantshong sa Muvhango. Character ya gagwe ke Terror mme o simolotse go tlhagelela ka kgwedi eno ya Phatwe e tlhoa malatsi a le 17. Bagzito o dirile dithuto tsa gagwe tsa Btech Drama kwa Tshwane University of Technology. O goletse kwa Danville, Pretoria moo a simolotseng go gwetlha kakanyo ya gagwe go lwantsha classism le kgethololo go ya ka mmala ka ntlha ya maemo a lefelo le a goletseng kwa go lone. Ga jaana o dira mmino ebile o bone le phatlha ya go diragatsa mo setshwantshong sa Muvhango.