Re buisana ka Documentary e e lebang kgolo ya mmino wa hip hop go tloga maloba go fitlha mo nakong e re leng mo go yone. Documentary eno e tlile go tshameka mo SABC 1 fa kgwedi ya Seetebosigo e roga. Hip hop e ntse ele kwa setlhoeng fa re leba mmino o ratiwang ke MaAforika Borwa mo dingwageng dile 6 tse di fitileng. Re ka leba batho ba tshwana le Cassper Nyovest, AKA, Zubz, Amu Jabba, Khuli, Tuks, Proverb, Pro Kid, Stogie T, Emtee, Nasty C, LTIDO, K.O, Kwesta magareng ga ba bangwe, ba ba kgonneng go ngoka dipelo tsa balatedi ba mmino wa Hop hop mo nageng ya rona. Mmino o montsi mme di record company le tsone di palelwa ke go kwadisa diopedi tsotlhe. Technology e dirile gore dilo di nne bonolo eblie mongwe le mongwe a simolole go ikagela leina ka nosi.