Re keteka letsatsi la gompieno le mongwe wa diopedi tse di tlotlegang thata mo nageng ya rona. O simolotse leeto la gagwe ele sebini mme a dira le Sello Chicco Twala. Ke tsala ya tlhogo ya kgomo ya Mandla Spikiri. Ke karolo ya diphetogo mmogo le bangwe ba ba kgonneng go godisa mmino wa Kwaito go tloga kwa Tshimologong. Fa re ne re leba TV ka di 1980’s, re kopane le sefatlhego sa gagwe thata a bina mmogo le go diragatsa. Ke karolo ya Trompies, re bua Jairus Jakarumba Nkwe.