WCW ya rona gompieno ke Khulufelo Mogane yo eleng professional Makeup Artist, mme seno se raya gore o tlile go re neela a total make over gompieno. Ekete batho bangwe kgotsa malapa mangwe a segofaditswe ka bana ba ba nang le bokgoni ebile ba le bo mankge. Fa go nale The Kardashian family, rona mo Aforika Borwa re nale The Mogane Family. Khulu o itsege thata le wena mo tirong ya gago mme kgwebo ya gago le yone e setse e bona kgolo. Karabo Mogane re mmona a phatsima jaana ka ntlha ya gago mmogo le ba bangwe ba ba itsegeng. Kgwebo ga e bonolo mme re sekaseka seo basadi bangwe ba se dirang go godisa dikgwebo tsa bone mmogo le go aga bokamoso bo bo phatsimang.