Re nale The people’s poet, Seopedi mmogo le molwantsha kgololosego Rre Mzwakhe Mbuli. O belegwe ka ngwaga wa 1959 kwa Sophiatown, mme ka ntlha ya melao ya Apartheid o ile a patelesega go fudugela kwa Soweto. Mzwakhe Mbuli o ne a dirisa lentswe la gagwe go fetisa molaetsa kgatlhanong le kgatelelo ya bana bam mala wa sebilo mo malobeng ka dipoko tsa gagswe mmogo le mmino wa gagwe. O golotse mmino o montsi mme di album tsa gagwe di akaretsa Izigi, Africa, Unbroken Spirit mmogo le Change is pain.