Re buisana le Niniola ga mmogo le Oskido ba ba dirileng pina mmoog e e bidiwang Banky Banky. Jaak re konosetsa kgwedi ya Aforika, go botlhokwa go keteka kopano ya badiragatsi ba Aforika jaaka e ikadile. Niniola Apata ke mongwe wa diopedi tse di ratang naga ya rona ya Aforika ebile o kgonne go dira le batho ba tshwana le Busiswa, Oskido, Mungu Africa, Kamo Mphela ga mmogo le Mpura. Leina la Niniola le godile thata mo go rona fa a ne a golola pina ya Maradona ka ngwaga wa 2017.