Re buisana le Tselane Mashilo yo o neelanang ka dithuto tsa English mo maranyaneng a boitapoloso. Ano ke maitlhomo a gagwe go thusa barutwana ba Grade 5 go tswelela ka dithuto tsa bone mo pakeng eno ya taolo ya metsamao mo nageng ya rona. Tselane ke morutabana kwa General Jacques Pienaar Primary School mme o simolotse mokgwa ono wa go ruta ka ntha ya go bona tiro ya sekolo e salela kwa morago. O bone 2800 views ka letsatsi la gagwe la ntlha fa a ne a dira live video. Ga se barutwana fela ba ba tsayang karolo, batsadi le bone ba tsaya karolo gore ba kgone go thusa bana ba bone.