Re buisana le Winnie mmogo le Re3thabile Khumalo. O ba itse sentle jaaka motsadi le ngwana. O ka se bui ka mmino o sa akaretse Winnie Khumalo. Winnie Khumalo o keteka dingwaga dile 32 a diragatsa jaaka seopedi se se itsegeng mo nageng ya rona. Ga se seopedi fela mm eke modiragatsi mo ditshwantshong tsa television. Rethabile o tsere malebela ka ntlha ya fa a simolotse go opela le ene a le dingwaga di 6 fela. Ngwaga wa 2019 ke moo re boneng Rethabile a phatsima sentle ka ntlha ya pina ya Umlilo. O dirile le Muzzle mmogo le DJ Zinhle mo pineng eno, mme o ikagetse leina.