Re buisana le Frank Lekaba yo eleng Mmatlisisi wa merero ya Aforika mmogo le Motlhatlheledi kwa North West University Vaal Campus. Re leba ka moo COVID19 e amileng ka gone dinaga tsa Africa jaaka re keteka Africa Day. Ke ka ngwaga wa 1963 fa gone go tlhamiwa semmuso Organization of African Unity, e e itsegeng jaaka African Union gompieno. Mme Mopresidente Cyril Ramaphosa ke ene Modulasetulo wa AU, seo se dirang naga ya rona baeteledipele go nnetefatsa fa dinaga tsa Aforika di kopane go dira mmogo. Re lebane le segajaja sa COVID19, mme re tlhoka go leba ka moo dinaga tsa rona di dirang ka gone go tshwaragana kgatlhanong le COVID19.