Re buisana le mongwe ba basha ba ba tlotliwang thata mo Profenseng ya Gauteng ka ntlha ya tiro eo a e dirang. O bone tlotla e tona fa a ne a taboga mo maranyaneng a boitapeloso jaaka MCM ya Profense ya Gauteng mo kgweding e e fitileng. Ke bua ka Refiloe Rantekoa yo o nang le kgwebo e e bidiwang Borotho Bakery Enterprise. Borotho ke dijo tsa letsatsi lengwe le lengwe mme go simolola kgwebo ya go dira borotho ga go bonolo, segolo bogolo fa o e tsaya go fitlha kwa maemong a ditlamo tse di tona tsa go dira borotho. Fa o le kwa Soweto mmogo le mo Johannesburg, leina le nosi le go buiwang ka lone, mme ke Borotho Bakery Enterprise.