Leina la me ke Tumelo Shuping ,ke tsetswe le go golela kwa motseng wa Madibogo, Longaneng ko ke simolotseng sekolo le go wetsa teng , Ka 1999 ke ne ka fudugela kwa Johannesburg (Tembisa) .Ke ne ka bona tiro kwa setlamong sa Catering kwa Busburg koo ke neng ke dira ka didiriswa tsa boapei go akaretsa (coffee machines) kwa mafelong a boiketlo le di hotel ,Ke ne ka nna le lesego la go lalediwa kwa Netherlands le Sweden go ikatisetsa gonna moitsianape mo tiisong ya metšhining e
Go ka tlaleletsa; ke ne ka ithuta leleme la se Dutch dikgwedi tse (8) morago ga go fudugela kwa The Netherlands,ke ne ka bona tiro kwa setlamong sa dijanaga kwa Sweden ko ke berekileng jaaka motlhatlhobi wa dijanaga,morago nyana ka dira ka Eletric le Hydride cars …2015 nna le lesika laka re ne ra bna bona bonno kwa Germany ko gajana ke ithutang puo ya ya se Geremane le go thusa kwa sekolong sa bana baka