Kadi 12 tsa kgwedi eno President Ramaphosa kefa a eme naga ka lefoko, gareng ga tseo adi buileng ke gore go rekisiwa ga nnotagi go tlile go emisa ka gangwe, lengwe la mabaka ke gore maokelo ale mantsi a puso le private a tletse ka batho bao ba nang le dikgobalo ka ntlheng yago itshiela botlhaswa(alcohol-related traumas). Jaanong re laleditse Rrakgwebo Papi, o rekisa nnotagi mo kgaolong ya Pretoria. Re laleditse gape le Faith Mnyameni, ke social worker ebile ke mokaedi kwa Imani psychosocial solutions, re lebelela maemo a tlhaloganyo a motho yo o itshielang nnotagi mme a nale mathata a botshelo.