Kelebogile Kgetse o buisana le Insurance broker, Noni Molemela.
Pegelo ya ba mokgatlho wa lefatshe wa bojanala - United Nations World Tourism Organization, e tlhagisa gore seelo sa bojanala lefatshe ka bophara se oketsegile ka 84%, mo dikgweding di le supa tsa monongwaga. Seno ke fa go bapisiwa le yona nako eo mo dingwageng di le nne tse di fetileng, ka paka ya go anama ga bolwetse ba covid 19.
Fela fa o le yo mongwe wa batho ba nang le kgatlhego ya go etela kwa dinageng tse di farologaneng go botlhokwa gore o nne le insurance ya go eta kana travel insurance.