opalamente wa pele wa ANC Marius Fransman, a re tshwetso ya gagwe ya go leboga tiro kwa kokoano peomolao ya Western Cape, ga e golagane ka gope le magatwe a go kgarakgatsha ka keletso ya thobalo kgatlhanong nae, kana ntwa ya kwa kgotlatshekelo le SCOPA kwa profenseng eo.
Fransman a re dintwa tsa ka fa gare, go tlhokagala ga tlhomamo le maphata mo teng ga lekoko, di dirile gore serodumo sa ANC se phutlhame mo historing ya yona ya dingwaga di le 104.
A re o tla tsepamisa matsapa a gagwe a isago go aga gape go tshepana ga batho, mekgatlho ya baagi le ANC.....