Mmayara wa mmasepala wa Johannesburg Herman Mashaba are o tla tsweletsa boruni jwa go netefatsa fa badiri ba mmasepala ba na le dithutego tse di maleba tsa ditiro tsa bona.
Tona ya phemelo Nosiviwe Mapisa Nqakula are mopresidente Jacob Zuma le baeng ba tlotlego ba tla hirelwa difofane sebaka sa dikgwedi di le lesome le borobedi.
Mopresidente Jacob Zuma a re ga go na ntwa mo pusong. O ne a tsibogela potso ya moeteledipele wa DA Mmusi Maimane, e e ka ga dipegelo tse di dirilweng ke motlatsa mopresidente Cyril Ramaphosa, tse di neng di kaya gore go na le kgotlhang mo pusong.
Moeteledipele wa EFF Julius Malema o diegsitse go simolola ga ngangisano ya kwa kokoano bosetshaba e e ka ga tirelo ya diphofo ya Afrika Borwa SAA, ka magatwe a kgolagano magareng ga mopresidente Jacob Zuma le monnasetilo wa SAA Dudu Myeni.
Moeteledipele wa EFF Julius Malema, o ikuetse gore go gogelwe morago go thapiwa gape ga mookamedi wa boto ya tirelo ya diphofo ya Afrika Borwa SAA Dudu Myeni.
Tona ya matlotlo Pravin Gordhan a re go nale kgonagalo e e kwa godimo ya gore seemo sa ikonomi ya Afrika Borwa se ka se isiwe tlase go se se sa rotloetseng peeletso ka Sedimonthole...
Moruti yo itsegeng wa kwa Amerika Steve Anderson yo o kgatlhanong le batho ba ba ratanang ba bong bo le bongwe o kganetswe go tla mono Afrika Borwa...
7 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.