Motlhami wa Decolonisation Foundation Jimmy Manyi, o tlhatlhetse ngongorego ya tsamaiso e sa lolamang le bonwee-nwee kgatlhanong le mokhuduthamaga mogolo wa pele wa setlamo sa Transnet Maria Ramos kwa kantorong ya mosireletsi wa sechaba.
ANC ya re e kgotsofaditswe ke gore e kgonne go tlotla ditshwanelo tsa #occupy Luthuli House. Le fa go ntse jalo, lekoko la re le swabisitswe ke gore maloko a tsere tshweetso ya go tsaya kgato e e sa tsamaelaneng le molaotheo wa lekoko.
Moeteledipele wa EFF Julius Malema o tsibositse gore lekoko la gagwe le tlile go tsaya dikgato kgatlhanong maloko, ao a retelelwang ke go rebolela lekoko diporesente di le 15 tsa dituelo tsa ona.
Baditirelo tsa maemo a bosa ba re go solofetswe go tsorotla ga dipula mo dikarolong di le dintsi tsa naga go simolola kamoso go utlwa ka ga kgang eno le tse dingwe reetsa dikgang tsa ure ya lesome le Bayo
Mokwaledi kakaretso wa lliki ya bomme ya ANC Meokgo Matuba a re bao ba rulagantseng mogwanto kwa dikantorokgolo tsa ANC kwa Johannesburg gompieno ke magatlapa go utlwa tshwaelo eno reeetsa dikgang tsa ura ya bosupa le Bayo
Barulaganyi ba mogwanto o o leba kwa dikantorokgolo tsa ANC Luthuli House ba kopile balatedi ba bone go se iponatse tebang le go tiila tshololo ya madi
Go solofetswe fa mapodise a tla phasaladiwa ka bontsi kwa Luthuti House kwa setlhopa se se ipitsang "Occupy Luthuli House" se tla gwantelang gone
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.