Tshegofatso Mothibedi o buisana le Sebueledi sa mopresident wa pele Jacob Zuma, Mzwanele Manyi, ka ga gore a zuma o tla ineela kwa mapodiseng morago ga taelo ya kgotlatshekelo ya molaotheo.
Thabiso Moss o buisana le moitseanape wa megare, Prof Mphahlele ka mofuta o mosha wa coronavirus, Delta. O tlhalosa gore o kotsi go le kae, le gore ga ona matshwao, o ka o lemoga ga o dirile diteko.
Refilwe Komane o buisana le Moitsenape mo mererong ya go rekisiwa ga matlo Tumelo Boy Matlou, go tlhaloganya tsamaiso e maleba pele setheo sa banka se go tseela ntlo ka ntlha ya go se duele.
Tshegofatso Mothibedi o buisana le Motlhankela-Mokhuduthamaga wa SAHPRA, Dr Boitumelo Semete- Makokotlela go tlhaloganya tsamaiso ya go atlenegisa meento ya Coronavirus.
Thabiso Moss o buisana le ngaka e e sa tswang go aloga, Dr Mpho Mabotja yo a reng jaaka dialogane tsa bongaka di le 200 ga di ise di dire di internship kgotsa community service jaaka go tshwanetse. A re ke maikarabelo a puso go netefatsa fa ba di dira. Dr Mabotja a re puso e ba itsa go thusa ka nako eo naga e tlhasetsweng ke leroborobo ka coronavirus.
Tshegofatso Mothibedi o buisana le Monnasetilo wa ANC kwa sedikeng sa Waterberg kwa Limpopo, ka gore ba tlile go samagana jang le maloko a tshwerweng go latela go thuntshiwa ga maloko a le mabedi kwa kopanong ya lekoko.
Tshegofatso Mothibedi o buisana le sebueledi sa NTA , Theo Malele, go lebelela mokgwa o lephata la di-taxi le ikamanyang ka teng le melawana ya Coronavirus.
Thabiso Moss o buisana le sebueledi sa tonakgolo ya Gauteng-Vuyo Mhaga malebana gore ba samagana jang le go oketsega ga dipalo-palo tsa coronavirus mo porofeseng, le go romelwa ga dingaka le baoki ba SANDF go thusa.
Tshegofatso Mothibedi o buisana le sebueledi sa SANDF, Brigadier General, Mafi Mghobozi, ka dintlha tse di malebana le masole a rometsweng kwa Gauteng go thusa go lwantsha Covid-19.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.