Moitsanape wa Molao Advocate Joe Modise le Moitseanape wa dipolotiki Dr Sethulego Matebesi ba sekaseka tema ya gore Kgotlatshekelo ya boikuelo kwa Bloemfontein e kgapetse thoko kopo ya ga President Jacob Zuma le Bothati ba Bosekisi NPA mo temeng ya dikgatiso tsa botlhodi kana Spy Tapes.
Moitseanape wa tsa molao go tswa kwa khempaseng ya Mafikeng ya North West University, Dr Kesolofetse Lefenya mo thulaganyong ya Boresetse le Refiloe Seboko.
Tona ya Lefapha la Puso Selegae le Merero ya Segosi Des Van Rooyen o tlhalosa ka botlalo tsereganyo ya puso mo ditiragalong tsa matlhotlhapelo morago ga gore dipula tsa matlakadibe.
Thabiso Moss mo thulaganyong ya Tsele le Tsele o buisane le Mokhuduthamaga wa Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi, Temothuo, Tikologo le Tlhabololo ya Metsemagae kwa Gauteng Lebogaile Maile go sekaseka merero ya ikonomi, temothuo le lefatshe.
Boresetse le Refiloe Seboko - Dr Sebolelo Seape o tlhalosa ka ga kgatelelo ya maikutlo mo badiring le megopolo e fosagaetseng ka ga malwetsi le boitekanelo jwa tlhaloganyo
Moitseanape wa Molao Joe Modise O sekaseka kgato ya Bothati ba Bosekisi (NPA) ya go se sekise Mme wa kwa Lady Frere kwa Eastern Cape yo a neng a latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya Monna mongwe le go gobatsa ba bangwe ba le babedi morago ga go ba fitlhela ba betelela Morwadie wa dingwaga di le 27.
Moatlhodi wa kgotlatshekelo ya boikuelo, Lebotsang Ronnie Bosielo, o tlile go dira tlhatlhelelo ka bokao le tiragatso ya molaotheo kwa Luka kwa Rustenburg
Mongwe wa barulaganyi ba kopano eo, Thabang Makwetla mo thulaganying ya Boresetse ka ga kopano ya balwela kgololosego ba maloba ba uMkhonto We Sizwe ya kwa Nasrec Expo Centre.
Kebby Maphatsoe eleng presidente wa MKMVA mo thulaganyong ya Boresetse le Refiloe Seboko ba buisana ka kemo ya MKMVA tebang le konferense ya MK Council.
Thabiso Moss o buisane le sebueledi sa Eskom Khulu Phasiwe ka ga Eskom e thapile Mokhuduthamaga wa Information Technology Shaun Maritz go nna Mokhuduthamaga Mogolo wa nakwana wa setlamo.
4 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.