Sebueledi sa Eskom Khulu Phasiwe, a re karolwana ya botlhano ya setlamo seno kwa staesheneng sa motlakase sa Medupi sa boleng ba diranta di le dibillione, e ya dira mme le yona e setse e simolotse go tlamela ka motlakase bosechaba.
Presdiente ya Mokgatlo wa kgwele ya dinao wa Afrika Borwa Danny Jordaan o ganeditse dipego tsa gore mokatisi yo montshwa wa Bafana Bafana Stuart Baxter o amogela diranta di le millione ka kgwedi go feta ka moo Shakes Mashaba a neng a amogela ka gona.
Go utswitse ditlhobolo le matlhatlhela mo setlamong sa selegae sa tshireletso kwa motse-seteropong wa Montshioa gaufi le mono Mahikeng mo profenseng ya North West.
Babueledi ba molatofadiwa le ba puso ba dirile kopo kwa Kgotlatshekelo ya Magistrata wa Jhb, gore babegadikgang ba seka ba letlelelwa go gasa ditheetso tsa kopo ya baili ya ga Sandile Mantsoe.
Borradipolasi bangwe le bagweebi ba basweu kwa Coligny mono North West ba kgapetse thoko magatwe a gore kgaolo eo e e tletseng ka dipolasi e tletse bosemorafe.
Democratic Alliance mono North West e ikaelela go tlhatlheela kgetsi ya bosinyi gompieno kgatlhanong le tonakgolo Supra Mahumapelo kwa seteishining sa sepodisi sa Coligny.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.