Lephata la mapodisi la twantsho ya bosinyi jo bo rulagantsweng The Hawks, la re le tletse tsholofelo ya gore matsapa a lona a go lwantsha bosinyi kwa bommasepaleng a tlile go nna le dipholo tse di namatshang.
Mmueledi wa mokomishanara wa bosetshaba wa mapodisi yo o sekegilweng Riah Phiyega, ebong Sandile July o tlhomamisitse gore mmuelelwa wa gagwe o gwetlha diphitlhelelo tsa pegelo ya Claasen.
Monnasetilo wa Komiti ya nakwana e batlisisang merero ya Sabc Vincent Smith a re go ne go le mo pepeneneng gore dipaki dingwe kwa ditheetsong tsa dipatlisiso tsa komiti, di ne di sa bue boammaruri.
Lekoko lengwe le lengwe la dipolotiki mo Komiting ya ditlhaeletsano kwa Parliamenteng, le tlile go neela seme segolo sa lona maina a bontlhopeng, ba ba tla thapiwang mo botong ya nakwana.
Moeteledipele wa EFF Julius Malema a re lekoko le tlhomamisa tshedimosetso e e botlhokwa pele le tsaya kgato kgatlhanong le mosireletsi wa setshaba Busisiwe Mkhwebane.
Mokgatlo wa baithuti Cosas mo profenseng ya North West o ikuela gore go tshwaiwe gape diPampiri tsa diteko tsa barutwana kwa sekolong se segolo sa Promosa kwa Potchefstroom.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.