Ba ditirelo tsa tshoganyetso kwa Jhb, ba tsibositse batho ba ba nnang kwa dikampeng tsa baipei kwa dikgaolong tse di ikadileng kwa tlase gore ba hudugele kwa dikgaolong tse di letseng kwa godimo malebana le go efoga metsi a morwalela.
Sebuelledi sa ditirelo tseno Nana Radebe, o ne a bua morago ga gore morwalela kwa Jhb o bake mathata kwa dikarolong dingwe tsa toropo eo.