Presidente wa mokgatlho wa barutwana COSAS Zama Khanyase a re ba tshwengwa ke ntlha ya gore barutwana ba matriki ba monongwaga ba ka se nne le phatlha kwa diyunivesiting ngwaga o o tlang, fa baithuti ba sa kwale ditlhatlhobo tsa bona..
Mmueledi wa motlatsa mokaedi wa bosetshaba wa bosekisi ba setshaba Nomgcobo Jiba, e bong Zola Majavu, o tlile go rebolela mopresidente Jacob Zuma ditlhagiso ka moso, tsa gore ke goreng mmuelelwa wa gagwe a sa tshwanela go sekegiwa.
Seelo sa metsi kwa matamong a Zimbabwe se ile tlase go dipersente di le some a mane le bobedi go latela komelelo e e padimotseng naga eo, le go baka gore baagi ba le dimillione ba tlhoke thuso ya dijo le gore kgotla ya selegae e diragatse dikiletso tsa metsi...
Motlatsa motlhankela mogolo wa merero ya baithuti kwa Tshwane University of Technology Dr Ezekiel Moraka o ikuetse go baithuti ba ba boloditseng ditshupetso go se senye dithoto le go senya thuto ya bona
Mookamedi wa pele wa bothati ba bosetshaba ba bosekisi NPA Mxolisi Nxasana, a re patlisiso e e ka ga go siamela ga ga motlatsa mokaedi wa bosetshaba wa bosekisi ba setshaba Nomcobo Jiba le Lawrence Mrwebi go kokomala maemo a bona, ga e botlhokwa ka ntlha ya fa kgotlatshekelo e setse e atlhotse gore ba ntshiwe mo lenaaneng la bo advocate.
Matlole a a ikaeletsweng go thusa go namola komelelo, ga a fitlhelele ba a ba tshwanetseng. Lekoko la Democratic Alliance la re mabaka a a rebotsweng ke lefapha la dipuso selegae le merero ya segosi a go retelelwa ke go tlhamela matlole ano, ga a amogelesege
Mmueledi wa motlatsa mokaedi wa bosetshaba wa bosekisi ba setshaba Advocate Nomgcobo Jiba a re o tlile go rebolela mopresidente Jacob Zuma ditlhagiso ka Mantaga, tse di ka ga gore ke goreng mmuelelwa wa gagwe a sa tshanelwa go sekegiwa.
Lefapha la phemelo la re le tlile go thala Military Disciplinary Bill e ntshwa kwa palamenteng fa gautshwane..
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.