SABC North West

SABC North West

By SABC News and Current AffairsNews
Download on the App Store

SABC North West episodes

  • Dikgang tsa ura ya bo 4 ka DMK
    Motlatsa tona ya phemelo le bagaka ba sesole Kebby Maphatsoe o latofaditse se a reng ke lephata la boraro le le batlang phetogo ya puso mo Afrika Borwa, ka gore le rwele maikarabelo a ditshupetso tse di tsweletseng tse di tletseng tiriso dikgoka kwa ditheong tsa thuto e kgolwane.
    6 min
  • Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi
    Badirisi ba tlile go utlwalelwa ke go tlhatlhoga gape ga ditlhwatlhwa tsa lookwane go tloga beke e e tlang ka Laboraro.
    Lefapha la Energy le itsisitse gore tlhwatlhwa ya petrole ya 93 le 95 e tlile go tlhatlhoga ka disente di le some a mane le botlhano litara, fa ya disele ka di le some a marataro le boraro
    6 min
  • Dikgang tsa ura ya bongwe ka DMK
    Modulasetilo wa komiti ya ditlhaeletsano kwa palamenteng Humfrey Maxengwana a re mookamedi wa Corporate Affairs mo SABC Hlaudi Motsoeneng ga a tle go bilediwa go tla kwa ditlhotlhomisong tsa SABC ntle fela fa go tlhokega. Komiti e tlile go bitsa maloko a ga jaana a khuduthamaga a boto le a pele go ntsha bopaki.
    6 min
  • Dikgang tsa ura ya 11 ka DMK
    Maloko a boto ya SABC a a setseng a eseng a khuduthamaga, a tlile go rebolelwa ditsiboso tsa semmuso tsa go tsweletsa ditlhotlhomiso mo mererong ya SABC le kemo ya boto go dira tiro. Se ke go ya ka modulasetilo wa komiti ya ditlhaeletsano kwa palamenteng Humfrey Maxengwana. Gompieno ke letsatsi la bofelo la go rebola tsiboso ya semmuso go maloko a boto.
    5 min
  • Dikgang tsa ura ya Borataro ka Kea Moalusi
    Bokaedi jo bo ikemetseng ba dipatlisiso kgatlhanong le mapodisi IPID, bo tlhomamisitse fa bo batlisisa ngongorego ya tiragalo ya botshwara-kananyo, e e begilweng ke motlhankela mogolwane wa tirelo ya lotseno ya Afrika Borwa SARS, kgatlhanong le maloko a lephata la dipatlisiso The Hawks, ka ga morero wa ditatofatso kgatlhanong le tona ya matlotlo Pravin Gordhan.
    5 min
  • Dikgang tsa ura ya bo 4 ka DMK
    Mopresidente Jacob Zuma a re dipharologano tse di tsweletseng ga jaaana mo mokgatlhong wa ANC di ka nna tsa faposa maitlhomo a lekoko le le busang a go tswelela go nna barua boswa ba dipoelo tsa demokrasi ya naga. Mopresidente o ne a bua kwa moletlong wa go tlotla mogaka Oliver Tambo
    5 min

About SABC North West

From the publisher's feed

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…