Mapodisi a batliisa kgetsi ya polao e se ka maikaelelo go latela kotsi ya diterena e latotseng botshelo le go tlogela batho ba bangwe ba feta lekgolo ba gobetse kwa Kaalfontein magareng ga Thembisa le Kempton Park kwa East Rand maabane...
Lefapha la thuto ya Motheo la re gona le maano a dirilweng go netefatsa fa dipampiri tsa dipotso tsa ditlhatlhobo tsa makgaola-kgang tsa matriki kwa Limpopo, di sireletsegile........
Baithuti ba le babedi ba Tshwane University of Technology (TUT) kwa Mbombela ba kgaratlhela matshelo a bona kwa bookelong morago ga go fitlhelwa ba dutla madi kwa Fleteng ya bona kwa Mpumalanga.
Presidente ya pele e tshwerweng ya Src kwa wits Mcebo Dlamini o ikuetse mo baithuting go ralala naga gore ba seka ba phuaganya kgaratlho ya bona ya thuto e sa duelelweng.
Motshola matlotlo kakaretso wa ANc Zweli Mkhize o kgadile ka bogale baeteledipele ba ba leng mo pusong go ikhumisa ka go tsweletsa bonwe-nwee le tsietso.
Mekgatlo ya Freedom under Law le Helen Suzman Foundation e dirile kopo e potlakileng ya kwa kgotlatshekelo tebang le gore ditatofatso tsa bosenyi kgatlhanong le Tona ya matlotlo Pravin Gordhan di phimolwe.
Lefapha la thuto mo profenseng ya North West la re barutwana ba lona ba monongwaga ba matriki ba ipakaanyeditse go simolola go kwala ditlhatlhobo tsa bona beke eno.
Mapodisi kwa Lomanyaneng mono Mahikeng mo profenseng ya North West a butse dipatlisiso morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse some-a-mabedi le borobedi a nweele mo Quarring kwa motseng wa Matlhonyane maabane.......
Mapodisi a Limpopo a re setlhopa sa borongwa se se supilweng go fedisa segongwana se se gapang dijanaga ka dikgoka, se dira kgatelo-pele.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.