Go begwa fa Presidente ya pele ya kgotla kemedi ya baithuti Src kwa Wits University Mcebo Dlamini yo gape e leng moeteledipele wa #FeesMustFall, a gana dijo kwa kgolegelong.....
Tshweetso ya Mosireletsi wa sechaba Busisiwe Mkhwebane ya go sa nne kgatlhanong le kopo ya moPresidente Jacob Zuma ya go thibela go rebolwa ga pegelo e e ka ga go laolwa ga puso, e gakgamaditse makoko kganetso.
Standard Bank e inyalantse le dibanka tse dingwe ka go dumelana le Tona ya matlotlo Pravin Gordhan gore puso e ka se tsereganye fa banka e tswala diAkhounto tsa badirisi.
Kago e nngwe gape e lakaitswe ka molelo kwa Nelson Mandela University kwa Port Elizabeth kwa Eastern Cape. Mapodisi a tlhomamisitse fa ntlo e e dirisiwang ke setlhopa sa motshameko wa krikete kwa setheong seo e jelwe ka molelo maabane bosigo.
Moeteledipele wa baithuti ba Wits University Shaeera Kalla o letse kwa bookelong morago ga gore mapodisi a mo thuntse makgetlho a le 13 mo mokwatleng ka marumo a raba maabane.
Baeteledipele ba EFF ba gorogile kwa seteisheneng sa mapodisi kwa Rosebank kwa Jhb, malebana le go tlhatlhela dikgetsi tsa bosinyi kgatlhanong le maloko a lelapa la ga Gupta, e bong Atul, Ajay le Rajesh.
Baeteledipele ba lekoko la EFF ba tlile go tlhatlhela kgetsi ya bosinyi kgatlhanong le maloko a lelapa la ga Gupta e bong Atul, Ajay le Rajesh gompieno.
Seabe sa dinaga tse di tlhabologang mo maitekong a go godisa ikonomi ya lefatshe, se tlile go seka sekiwa kwa kopanong ya bo robedi ya BRICS, e e simololang kwa lefelong la boroba sogo la GOA kwa India.
Presidente wa liki ya basha ya ANC Collen Maine o ikuetse go mopresidente Jacob Zuma go ntsha tona wa matlotlo Pravin Gordhan mo maemong.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.