Bafalosi bare ba ka se tlhalose gore ba ka simolola leng ka letsholo phaloso la baepi ba ba seng mo molaong kwa moepong wa Langlaagte kwa Borwa jwa Johannesburg.
Leloko la komiti khuduthamaga ya ANC bosechaba Nomaindia Mfeketo a re mabela le go inaganela ka nosi ga baeteledipele bangwe go lebisitse kwa goreng lekoko le latlhegelwe ke batlhopi mo ditlhopong tsa sesheng tsa dipuso selegae.
Maemo a sisibetse kwa Langlaagte kwa gone bamalapa a badiramoepong ba ba seng mo molaong ba ba gaeletsweng ka kwa tlase ga lefatshe ba tshosetsang mapodise
Presidente ya lliki ya basha ya ANC Collen Maine a re motsi o gorogile wa gore basha ba etelele pele lekoko a re baeteledipele ba lekoko ba ba dingwaga di some a supa le some a marataro le botlhano ba tshwanetse go ya phensheneng
EFF kwa Ethekwini ya re ga ya itumedisiwa ke tshweetso ya lekoko ya go dirisana le DA mo bommasepaleng ba ba sa fenngwa ke lekoko lepe la sepolotiki ka divout tse di tlhokegang ka nako ya ditlhopo tsa dipuso selegae.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.