Motlatsa monnasetilo wa SACP bosechaba Thulas Nxesi o tsibositse ANC gore e ka latlhegelwa mo ditlhopo kakaretso tsa 2019 fa e sa samagane le mathata a a e lebaneng.
Barulaganyi ba moletlo wa mmino wa go leboga SABC ba re tiragalo eo ke ya go keteka dingwaga di le dintsi tsa thalente ya mono gae e e ntseng e sa tsewe tsia.
Motsamaise mogolo wa setlamo se se olelang matlakala kwa Johannesburg Pikitup Amanda Nair a re botsamaise ba setlamo seo bo sweeditse go mo koba go na le go tsaya dikgato kgalemo kgatlhanong nae.
Lliki ya basha ya ANC kwa Tshwane e latofaditse meyara wa masepala oo o mogolo Solly Msimanga ka go batla go ratiwa ka go batla se lliki e reng ke pegelo ya forensiki ya ANC e e ka ga bogwengwene.
Lefapha la bosechaba la matlotlo le atlenegisitse go rebolelwa ga SAA diranta di le dibiline di le tlhano e le matlole a go namola setlamo seo mo mathateng a dichelete.
Mokwadi gape e le mokgaratlhi wa dipolotiki kwa Amerika Professor Angela Davis a re kgololosego e simolola ka thuto e e sa duelelweng
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.