SABC North West

SABC North West

By SABC News and Current AffairsNews
Download on the App Store

SABC North West episodes

  • 18H00 Dikgang ka Merceds Nkoane
    Moeteledipele wa DA Mmusi Maimane o dirisitse ngangisano ya kwa palamenteng e e ka ga go laolwa go se mo molaong ga puso ke maphata, tebang le go tlhomamisetsa naga gore DA e e tlile go khutlhisa bonweenwee le go laolwa ga puso ke maphata mangwe kwa bommasepaleng ba bo-Metro, bao e ba fentseng mo ditlhopong tsa dipuso selegae.
    5 min
  • 19h00 Dikgang ka Mercedes Nkoane
    Mmayara wa Tshwane Solly Msimanga, a re ba tlile go tlhatlhela ditatofatso kgatlhanong le batlhankela ba pele le baeteledipele ba kwa toropong eo.
    Msimanga o tlhatlhetse ditatofatso tsa bonwee-nwee kgatlhanong le batlhankela bagolwane ba le 3 ba pele ba toropo, go ya ka dipegelo di le 2 tsa forensiki tse ba nang le tsona.
    6 min
  • 17h00 Dikgang ka Mercedes Nkoane
    Palamente e ntse e ngangisana ka ga morero wa thuto ya mahala kwa di University, mme DA ya re puso e e eteletsweng pele ke ANC e bakile maemo ao puso e ka se kgoneng go tlamela ka thuto ya mahala.
    5 min
  • Dikgang tsa ura ya Bongwe ka Lillian Mogotsi
    Lekoko la DA kwa Palamenteng la re kitsiso ya maabane ya tona ya Maatla , Tina Joematt-Petterson ya gore legato lantlha la tumalano ya Nuclear le tlile go simolola kwa bokhutlong ba kgwedi eno, e tlile go etegetsa maemo a masisi ga jaana a theko ya sekoloto mo nageng..
    6 min
  • Dikgang tsa ura ya Bobedi ka Lillian Mogotsi
    Liki ya basha ya lekoko la maKomonisi YCL le yona e kwaletse moPresidente Jacob Zuma lekwalo go latela la mo phatlhalatseng le Liki ya basha ya Anc e le kwaletseng Mokwaledi kakaretso wa SACP, yo gape e leng Tona ya thuto e kgolwane le katiso Blade Nzimande.
    6 min

About SABC North West

From the publisher's feed

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…