Bothati ba pharakano kwa Limpopo bo solofetse seelo se se kwa godimo sa pharakano mo bokhutlong bono ba beke. Seno ke jaaka phuthego ya kereke ya ZCC e tlabo e lebile kwa ntlong kgolo ya kereke kwa Moria, malebana le go tsena khonferense ya kgwedi ya Lwetse.
Kgotlatshekelo kgolo kwa Limpopo, e e tseneng kwa Thohoyandou, e rebotse lekwalokiletso la go ikanisiwa ga ga kgosi ya VhaVenda Toni Mphephu Ramabulana...
Tona ya matlotlo Pravin Gordhan a re kopano ya dinaga tsa G20 kwa Hangzhou kwa China, ke chono ya gore baeteledipele ba dinaga tse di humileng ba tsenye gape ikonomi ya lefatshe mo tseleng e e nepagetseng.
Barulaganyi ba letsholo la OCCUPY LUTHULI HOUSE, ba ikanne go tswelela-pele ka ditshupetso tsa bone kwa dikantorolong-kgolo tsa ANC kwa Johannesburg ka Mantaga.
Puso ya profense ya North West ya re e tlile go dirisana le dikgotla tse dintshwa tse di tlhamilweng tsa mmasepala, ka maitlhomo a go tokafatsa tlamelo ya ditirelo le go samagana le tsamaiso e sa lolamang ya dichelete mo profenseng.
Maloko a le some le bobedi a boto entshwa ya tirelo ya diphofo ya Afrika Borwa SAA, a tlile go kopana le tona ya dichelete Pravin Gordhan, yo o tlileng go rebolela tirelo eno dintlhakaelo go tswa mo pusong jaaka motshola dishere.
Tlhwatlhwa ya petrolo e tlile go wela tlase ka disente tse some le borobedi litara kgotsa one-point-five per cent, beke e tlang fa ya diesele yona e tlile go wela tlase ka disente tse some-a-mane le borobongwe litara kgotsa dipersente tse four point four.
DA ya re e tlile go kwalela moPresidente Jacob Zuma Petition e mo laela gore a seka a supa Komishine ya dipatlisiso mo tshweetsong ya dibanka tse dikgolo mo nageng ya go khutlisa kgolagano ya tsona le setlamo sa Oakbay Investment sa ba gaGupta.
Ditlhopa tse di ganetsanang tsa Anc, di thulane kwa Pta....
7 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.