DA e tlhagisitse go tshwenngwa ga yona ke madi a a dirisitsweng mo dipapatsong ke SABC mo ngwageng wa dichelete wa 2015/2016.
Karabo go potso ya lekoko kganetso kwa palamenteng, e supa gore SABC e dirisitse diranta di feta dimilione di le 35 mo dipapatsong, mme madi ao a tla oketsega go nna diranta di le dimilione di le 42 ngwaga o o tlang.