SABC North West

SABC North West

By SABC News and Current AffairsNews
Download on the App Store

SABC North West episodes

  • 20H00 Dikgang ka Kea Moalusi
    Tirelo ya diphofo ya Afrika Borwa SAA e e mo mathateng a matlole, e tlile go nna le boto entshwa.
    Puso e konosetsa lenaane la maina a bontlhopeng ba ba tlileng go akarediwa mo botong entshwa eo.
    6 min
  • 19 Dikgang ka Kea Moalusi
    Mokhanselara wa ANC o tlhokafetse morago ga go wa kwa kopanogn ya tlhomo ya masepala o montshwa wa Jhb.
    Mosadi yoo o ne a kubugelwa ke bolwetse ka nako ya kopano ya go tlhopa setlhopa se sentshwa sa bomeyara.
    5 min
  • 09Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM
    Kgotla toropo ya Johannesburg Metro e solofetswe go tshwarwa kopano e tla go tla tlhopiwa meyara, spikara le seme segolo sa kgotla toropo le go ikanisiwa ga balekgotla mo nakong e e sa fediseng pelo.
    5 min
  • 08Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM
    Modulasetilo wa ANC kwa Johannesburg Parks Tau o kaile go tlhoka tsepamo ga ga jaana mo boeteledipeleng ba ANC kwa toropong eo go bakilwe ke dipholo tsa ditlhopo tsa dipuso selegae tsa seshweng jaana.
    5 min
  • 07Dikgang ka Bayo mo Motsweding FM
    Mokgatlho wa baagi wa "My Vote Counts" o ikgolagantse le kgotlatshekelo kgolo kwa Cape Town go lopa gore o gweeletse Promotion of Access to Information Act e se mo molaong le gore ga e tsamaelane le molaotheo.
    6 min
  • 06Dikgang ka Bayo mo Motsweding Fm
    CASAC ya re e solofela gore palamente e tla sala morago motlhala ka go dira dipotsolotso tsa tiro ya maemo a komishene ya ditshwanelo tsa botho mo phatlhalatseng fela jaaka go dirilwe ka maemo a mosireletsi wa setshaba.
    5 min
  • 05Dikgang ka Bayo mo Motsweding Fm
    Meyara khuduthamaga yo o sa tswang go thapiwa wa Tshwane Solly Msimang a re botsamaisi ba gagwe bo tiile mooko gore bo tlile go samagana le go ikabela lefatshe go se mo molaong kwa Mamelodi le Ga-Rankuwa kwa bokone ba Pretoria.
    5 min
  • Dikgang tsa ura ya Bosupa ka Keadimilwe Moalusi
    Lekoko la DA Le rometse tsibugo ya lona ya afidafiti kwa kgotlatshekelo kgolo ya boikuelo kgatlhanong le kopo ya ga mopresidente Jacob Zuma, ya go ikuela kgatlhanong le katlholo ya kgotlatshekelo kgolo e e ka ga kgetsi ya se go tweng ke ditheipi tsa sephiri, e e akaretsang ditatofatso tsa bonweenwee kgatlhano nae..
    6 min

About SABC North West

From the publisher's feed

Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…