Ba dikgang tsa rona ba lemogile fa lekwalo le le rometsweng go tona ya matlotlo Pravin Gordhan le mo biletsa go ipega kwa lephateng la The Hawks kamoso mme le kaya fa a tshwanetse go arabela dipotso tse di saletseng morago tebang le se se itsegeng ka lephata la tsietso mo SARS.
Moeteledipele wa EFF Julius Malema o sireleditse ntlha-kemo ya lekoko la gaabo ya go voutela DA, kwa bommasepaleng ba ba sa fengwa ka palo e lekaneng ya divoutu.
ANC e tshegeditse taolo ya masepala wa Ekurhuleni kwa East Rand, morago ga gore tona ya pele ya kgwebo le madirelo Mzwandile Masina a tlhopiwe go nna meyara yo montshwa.
Lekoko la DA le latofaditse maloko a ANC a komiti ya nakwana e e malebana le ditlhaeletsano ka gore, a gogetse morago kemonokeng ya ona mo tsitsinyong ya gore palamente e batlisise SABC.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.