Puso e nganga ka gore kgotlatshekelo ya boikuelo e tlile go kaya fa katlholo ya dingwaga di le thataro kwa kgolegelong ya ga Oscar Pistorius ya polao e le botlhofo thata.
Moitseanape wa molao Ulrich Roux a re kopo ya puso ya tetla ya go ikuela kgatlhanong le katlholo ya ga Oscar Pistorius e na le tshono ya dipersente di le soma matlhano go atlega
OUTA e tlhalositse fa go leboga tiro ga monnasetilo wa komiti e e ka ga boruni ya setheo sa diphofo sa Afrika Borwa SAA Yakhe Kwinana e le kgato ya motho a inaganela a le nosi.
Molaodi wa Energy NERSA, o totobaditse gore o tlile go ikuela kgatlhanong le katlholo ya kgotlatshekelo e e beetseng thoko karolo ya koketso ya dituelo tsa motlakase e e atlenegisitsweng go sale gale monongwaga.
Liki ya bashwa ya ANC mo North West e tlhagisitse kemonokeng ya yona go boikuelo ba liki ya bashwa ya bosetshaba, ba gore go tshwarwe khonferense ya pele ga nako ya lekoko ka maitlhomo a go tlhopa baeteledipele ba bantshwa ba bosetshaba.
Liki ya bashwa ya ANC mo North West e tlhagisitse kemonokeng ya yona go boikuelo ba liki ya bashwa ya bosetshaba, ba gore go tshwarwe khonferense ya pele ga nako ya lekoko ka maitlhomo a go tlhopa baeteledipele ba bantshwa ba bosetshaba.
Phaposi kgwebo e lopile dikgwebo, puso le badiri go tswelela go dirisana ka mowa o le mongwe, le mororo go na le magatwe a a dikaganyeditseng tona ya matlotlo Pravin Gordhan.
Cosatu e kgalemile The Hawks gore e lese go ngoka kgatlhego ya setshaba ka tsela e e dirang tiro ya yona.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.