Moeteledipele wa kgaolo wa Anc kwa Northern Cape Zoniselo Magawu, o tlhageletse kwa kgotlatshekelo ya Magistrata wa Postmansburg ka ditatofatso tse pedi tsa polao.....
Motlatsa moChancellora wa University of kzn Dr Albert Van Jaarsveld, a re thuto e sa duelelweng kwa ditheong tsa thuto e kgowane e ka ama boleng ba thuto.
Monna mongwe wa kwa Ngakane Section kwa Uitkyk kwa Madikwe mo profenseng ya North West, o tshwerwe go latela magatwe a go betelela le go bolaya mosadi mongwe wa dingwaga tse some-a-matlhano le boraro.
Anc e mo kgatelelong e se kana ka sepe go tlhopa baeteledipele ba bantshwa morago ga gore SACp le Sanco ba inyalanye le liki ya basha ya ANC mo ntlheng ya go ikuela gore go tshwarwe konferense ya ka bonako.
Anc e mo kgatelelong e se kana ka sepe go tlhopa baeteledipele ba bantshwa morago ga gore SACp le Sanco ba inyalanye le liki ya basha ya ANC mo ntlheng ya go ikuela gore go tshwarwe konferense ya ka bonako
Puso e batlisisa dipego tsa gore banna ba imisitse basetsana ba le makgolo a le mmalwa ba bangwe ba bone ba leng dingwaga di le lesome le bobedi kwa masepaleng wa Ratlou gaufi le Mahikeng mono North West
NPA e totobaditse fa e amogetse setlankana sa the Hawks malebana le kgonagalo ya go sekisa tona ya matlotlo Pravin Gordhan, fela ya re ga e mo seemong sa go tsaya tsweetso ga jaana.
Mandla Mandela o ikuetse go Amerika go itlhagisa le go tlhalosa ditiragalo tse di lebisitseng kwa goreng moswi rragwemogolo a tshwarwe kwa Howick kwa Kwa Zulu Natal Midland ka 1962.
Bothati jwa Bosetshaba jwa Bosekisi bo netefaditse fa bo amogetse Dockete gotswa go The Hawks mabapi le kgonagalo ya go sekisa tona ya matlotlo Pravin Gordhan.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.