Mokhuduthamaga wa thuto kwa Gauteng Panyaza Lesufi o tlotlomaditse barutwana ba sekolo sa Pretoria Girls High ka ntlha ya go tlhagisa matshwenyego a bona.
Mokhuduthamaga wa thuto kwa Gauteng Panyaza Lesufi o kgonne go dira gore go fitlhelelwe tumalano gareng ga barutwana ba bantsho le barutabana ba Pretoria High School for Girls go latela magatwe a bosemorafe.
Kgotla taolo ya sekolo SGB ya Pretoria High School for Girls le botsamaisi ba amogetse katlenegiso e e tshisintsweng ke mokhuduthamaga wa thuto kwa Gauteng Panyaza Lesufi go sekega molao wa maitsholo o o leng teng mme go tlhamiwe komiti e e kgethegileng go batlisisa magatwe a bosemorafe kwa sekolong seo
Setlamo sa Eskom se ganeditse fa se thibetse dipatlisiso tsa lefapha la matlotlo, tse di ka ga dikontraka tsa malatlha le setlamo sa Tegeta, se se laolwang ke balepala la ga Gupta.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.