Motlatsa mopresidente Cyril Ramaphosa o ema-nokeng tona ya dichelete eo aparetsweng ke mathata Pravin Gordhan, yo o batlisisiwang ke lephata la twantsho ya bosinyi jo bo rulagantsweng The Hawks, ka ga seo bontsi ba se tlhalositseng fa se tlhotlhelediwa ke dipolotiki.
Moatlhodi yo a rotseng marapo wa kgotlhatshekelo ya molaotheo Johan Krigler o ikuetse go Ma-Afrika Borwa gore a eme nokeng tona ya lefapha la matlotlo Pravin Gordhan.
Maloko a Corruption Watch, Right to Know, lekoko la FFPlus le Section 27, a boloditse ditshupetso ka kwa ntle ga dikantoro tsa The Hawks kwa PTA, jaaka babatlisisi ba The Hawks le batlhankedi ba SARS ba kopane mo sephiring.
South African Communist Party SACP kwa KwaZulu-Natal, e kgadile dipolao tsa sepolotiki kwa profenseng eo, le go ikuela tsereganyo go tswa mo semphatong le mo pusong.
Tona ya matlotlo Pravin Gordhan, a re ga a ne a tlhagelela kwa pele ga The Hawks kamoso jaaka a laetswe ke lephata leo. Gordhan o tlhomamisitse gore o amogetse setlankana se se tswang kwa lephateng leo, mme o amogetse kgakololo ya molao ya gore a se tlhagelele ka nosi.
Mokaedi wa lephata la Country Information Managmenet wa lefapha la merero ya selegae Busisiwe Mkhwebane, o atlenegisitswe go kokomala maemo a mosireletsi yo o latelang wa sechaba.
Komiti ya nakwana e supilweng go supa mosireletsi yo montshwa wa sechaba e simolotse go seka seka maina a bontlhopeng ba le batlhano ba maemo ano...
4 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.