Palamente e boela go dira gompieno morago ga go kgwa mowa sebaka sa dibeke di le lesome fa go ne go totilwe ditlhopo tsa dipuso selegae. Tona ya thuto e kgolwane Blade Nzimande a re baithuti ba tla itse mo bokhutlong ba kgwedi gore a go tla nna le koketso ya dituelo tsa ngwaga o o tlang kgotsa nyaa.
Merero e e ka ga dikhuduego tse di bakiwang ke digongwana tsa bosenyi kwa Cape Flats, ditlhaselo tsa letlhoo go baditshaba le dikhuduego kgatlhanong le diGay le di Lesbian e tlile go tlhagelela kwa godimo mo lenaaneng mo letsatsing la ntlha la South African National Conference on Violence
Mokaedi kakaretso wa lefapha la dipalangwa Vanguard Mkhosana, o tlotlomaditse tona ya pele ya lefapha la metshameko yo a tlhokafetseng, yo gape e neng e le tonakgolo ya pele ya Eastern Cape Arnold Stofile, ka ntlha ya bokgoni ba gagwe.
Tona ya thuto e kgolwane Blade Nzimande a re baithuti ba tlile go itse mo bokhutlong ba kgwedi eno gore A dituelo tsa ngwaga o tlang di tlile go okediwa kgotsa Nnyaa!.
Tona ya thuto e kgolwane Blade Nzimande o ikuetse gore baithuti ba ritibatse maikutlo, a re puso e santse e tlile go itsise dituelo tsa ngwaga o tlang tsa diUniversity.
Popcrueo kgadile ka bogale go tlhabiwa ga batlhankela ba le batlhano ba ditirelo tsa kgopololo kwa setheong sa kgopololo sa Sun City kwa Borwa ba Jhb.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.