Ntlhopeng wa molekgotla wa ANC le mohumagadi wa gagwe ba bolailwe ka go thuntsiwa ke batho ba ba sa itsiweng kwa legaeng la bona kwa Tsolo kwa Eastern Cape.
Modirakopo wa bofelo mo dipotsolotsong tsa maemo a mosireletsi wa setshaba profesa Bongani Majola o solofeditse go netefatsa fa go ikemela le serodumo sa kantoro di sa gogiwe mo seretseng fa a ka thapiwa
Moeteledipele wa DA Mmusi Maimane, a re dipuisano tse di ka ga semphato le makoko a mannye di tsamaya ka thelelo, mme di ka konosediwa pele ga bokhutlo ba beke.
Mokwaledi kakaretso wa ANC Gwede Mantashe, a re lekoko le le busang le tlile go seka-seka melaetsa eo balatedi ba lekoko ba ba romeletseng yona, ka nako ya ditlhopo tsa dipuso selegae.
Meyara yo a tlhopilweng gape wa Cape Town Patricia de Lille, o kgapetse thoko ditatofatso tsa gore komiti ya gagwe ya bomeyara ga e na tekatekano, fa go lejwa bong le lotso.
Mosadimogolo wa dingwaga di feta some a a supa e bile e le ngaka ya setso mmogo le setlogolo sa gagwe ba bolailwe setlhogo ke segopa sa baagi ba latofatswa ka boloi.
Reetsa mokgaratlhela kgololosego Frank Chikane fa are ANC e tlhoka go itharabologelwa ka go tsaya dikgato tse di gagametseng.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.