EFF e ikuela gore tsamaiso ya go botsolotswa ga badirakopo ba maemo a mosireletsi wa setshaba yo o latelang e emisiwe mme tsamaiso ya lenaane khutswe e bulwe gape. Seme segolo Floyd Shivambo a re batho ba bangwe ba tlhoka go neelwa tshono ya go botsolotswa
Mokgaratlhela kgololosego Frank Chikane a re o porofitile gore ANC e tlile go latlhegelwa ke moMetro ba naga, diprofense mme mo tsamaong ya nako e tlile go nna ditlhopo tsa bosetshaba.
Go fitlheletswe tumalano gareng ga boeteledipele ba ANC kwa kgaolong ya OR Tambo kwa Eastern Cape le maloko a a oleng mowa a ANC kwa Qunu gaufi le Mthatha.
Lenaane la katiso ya dithuto tsa bongaka magareng ga Afrika Borwa le Cuba, le bakile gore dingaka di le makgolo a balwa go tswa kwa malapeng a a humanegileng di amogele katiso kwa nageng eo ya Carribea.
ANC kwa Gauteng ya re e mo ditherisanong tse di masisi tse di ka ga go tlhama semphato, mme e simolotse le ka go sekaseka se se bakileng tiragatso e e bokoa ya yona mo ditlhopong tsa dipuso selegae kwa profenseng eo.
Bangwe ba barutwana go ralala Vuwani kwa Limpopo, ba re letsatsi la bona la ntlha la go boela sekolo morago ga dikgwedi di le 3, le tlhotse le itumedisa.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.