Presidente wa liki ya basadi ya ANC, yo gape e leng tona ya tlhabololo loago Bathabile Dlamini, o kgapetse thoko dipego tsa gore go na le setlhopa se se kgaratlhelang go mmona e le mopresidente yo a latelang wa Afrika Borwa...
Utlwa ka baitseanape ba Forensiki ba sepodisi ba tlile go leba kwa Vuwani mabapi le sekolo se se jelweng ka molelo maabane bosigo se se kgoreleditseng dithuto go tswelela segolo jang mo barutwaneng ba Grade Nine ba feta lekgolo.
Lefapha la thuto ya motheo la re go fisiwa ga sekolo kwa Vuwani kwa Limpopo maabane bosigo ga go ama go simololwa ga dithuto kwa dikolong tse dingwe tsotlhe kwa kgaolong eo gompieno.
Eskom e sekegile motsamaisi wa seteishene sa motlakase sa Koeberg le motsamaisi wa plante ka ntlha ya go phasaladiwa ga ditlankana tse di tshotseng dintlha tse eleng tsa setlamo mmogo le ditshisinyo tse di golaganeng le leano la ntsho dikuno la Koeberg.
The Fees Commission, e e tlhametsweng go lebelela kgonagalo ya go nna le thuto e e sa duelelweng kwa University, e simolola ka ditheetso tsa phatlhalatsa kwa Pretoria gompieno.
Kgetse ya polao kgatlhanong le morwae mmegadikgang wa pele gape e le tokololo ya boto ya SABC Hope Zinde e tla reediwa kwa kgotlatshekelo ya kgaolo ya North West moso ono.
Puisano ya ga Boitumelo Zwane le Boitumelo Korogo ka mokgwa wa basadi wa go dira ditshupetso ba sa apara. Itseele ka tsebe.
15 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.