Kokoano Bosechaba e atlenegisitse ka bongwe fela ba pelo pegelo ya Komiti ya ditlhaeletsano e tlhagisang maina a batho ba le batlhano ba ba tlileng go dira mo botong ya nakwana ya Sabc.
Mokgatlho wa badiri Nehawu mono North West o inyalantse le strike sa bosechaba se se ka ga gore tona ya tlhabololo loago a sekegele ditopo tsa bone tsebe tsa maemo a a tokafetseng a tiro.
Lefapha la tlhabololo ya metse magae le kabo ya mafatshe le abetse baagi ba Makweteng kwa Delareyville diVouchara di le lekgolo some a mabedi le bongwe tsa boleng ba diranta di le dimilione di le some a mabedi le borataro.
Komishinara wa nama o tshwere wa bosechaba wa mapodisi Kgomotso Phahlane o itsisitse fa batho ba le bane ba tshotswe tebang le go botsolotswa go latela kgothoso kwa Boemafofane ba bodichabachaba ba OR Tambo koo go dumelwang gore go utswitrswe diranta di le dimillione.
Batlhankela ba Lefapha la Tlhabololo Loago le setheo sa tshireletso ya Loago Sassa, ba ganne go itsisa dintlha mo diAffidaviting tse ba di isitseng ba potlakile metsotso e le lesome morago ga gore letlha la bofelo la kgotlatshekelo ya molaotheo le khutlhe.
Batlhankela ba Lefapha la Tlhabololo Loago le setheo sa tshireletso ya Loago Sassa, ba ganne go itsisa dintlha mo diAffidaviting tse ba di isitseng ba potlakile metsotso e le lesome morago ga gore letlha la bofelo la kgotlatshekelo ya molaotheo le khutlhe.
Mokwaledi wa federashene ya mekgatlho ya badiri Cosatu kwa Western Cape Tony Ehrenreich, a re ba seka-seka kgato e batlileng go e tsaya fa e le gore puso ga e tsereganye mo mathateng a dituelo tsa madi a loago pele kgwedi e e tlang e rogwa.
Kantoro ya mokomishanara wa mapodisi wa bosetshaba e senotse gore mongwe was babelaelwa ba le bararo ba ba tshwerweng ka ntlha ya go gapa lesea la kgwedi ka dikgoka kwa Durban, ke mmagwe lesea leo.
Maloko a boto ya PRASA a a ntshitsweng mo maemong, a tlhomamisitse fa a dirile kopo ya tshoganyetso kwa kgotlatshekelo kgolo, go gwetlha go belesediwa ga one.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.