Modiri wa mo lapeng wa dingwaga di le some a mane le robongwe o santse a tshositswe ke gore mothapi wa gagwe one a mo supile ka tlhobolo le go mmofelela matsogo mo hekeng.
Tonakgolo ya North West Supra Mahumapelo a re banna ba le babedi ba basweuba ba tlhasetseng batlhankela ba le babedi ba pharakano kwa Potchefstroom, ba tlile go tseelwa dikgato tse di gagametseng.
Balemi-rui mo profenseng ya North West ba itumeletse dipula tse di matla tse di tsorotlileng seshweng jaana e le fa seelo sa metsi mo matamong se tlhatloga ka iketlo.
Go supilwe Setlhopa sa Borongwa sa profense se se akaretsang Bakhuduthamaga mo lefapheng la sepodisi le dipuso selegae mo profenseng ya North West, tebang le go batlisisa ditshupetso tse di tsweletseng kwa Motse-seteropong wa Itsoseng mo profenseng.
Badichaba ba le bararo ba Mozambique ba ba tshwerweng kwa kgorong ya molelwane ya Mokopong kwa serapeng sa selegae sa diphologolo kwa Bray gaufi le Botswana, ba buseditswe mo diseleng ke Kgotlatshekelo ya Magistrata wa ganyesa.
Tona ya Diminerale Mosebenzi Zwane a re puso e ikaeletse go fitlhelela maitlhomo a yona mo lephateng la meepo mme e ka se tshosediwe ke bao ba e gogelang kwa kgotlatshekelo.
Beng ba dikgweebo kwa tika-tikweng ya marekelo ya Itsoseng mo profenseng ya North West ba tswaletse dikgweebo tsa bona, ba re ba shakgadiwa ke tiragalo ya seshweng ya go utswiwa ga dithoto mo mabenkeleng a bona.
Baagi ba kwa Vryburg mo profenseng ya North West ba ba amilweng ke go kgaolwa ga motlakase ba ikuetse go Masepala wa selegae wa Naledi go ba letlelela go ithekela motlakase ka tlhamalalo go Eskom.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.