Mosireletsi wa sechaba o senotse gore o dirile tshisinyo ya gonna kgatlhanong le kopo ya ga Mopresidente Jacob Zuma ya gore pegelo e e ga go tlhotlhelediwa ga ditshweetso tsa puso, e seka sekiwe seshwa.
Motlatsa mochanselara wa Univesithi ya Johannesburg Prof Ihron Rensburg a re Afrika Borwa e ka bo e sa samagane le ditshupetso tse di ka ga dituelo fa puso e ne e tsere tshweetso e e maleba dingwga di le some a mabedi tse di fetileng.
Makoko kganetso kwa palamenteng a tshwenngwa ke go se iponatse ga tona ya lefapha la tlhabololo loago Bathabile Dlamini kwa pegelong ya SASSA e e ka ga g tlhalosa ipaakanyo ya yona ya go diragatsa taelo ya katlholo ya kgotlhatshekelo ya molaotheo e e ka ga dituelo tsa thebolo ya madi a kotlo.
Maemo a ikonomi le go tlhomamisa kgolo ya yona, go akaretsa le go potlakisiwa ga thebolo ya lefatshe ke dintlha dingwe tse di tlileng go nna kwa godimo mo lenaneng la kopano ya kabinete e e tsweletseng kwa Pretoria.
Ombudsman wa lefapha la boitekanelo Malegapuru Makgoba o begile fa balwetse ba le 94 ba tlhokafetse go latela dipatlisiso tse di ka ga dintsho tsa balwetse ba tlhaloganyo kwa Gauteng.
Tonakgolo ya Limpopo Stanley Mathabatha a re go nna kgatlhanong le go tshwaragangwa ga melelwane ya bommasepala kwa kgaolong ya Vuwani go jetse puso diranta di le dimilione milione ka ntlha ya tshenyo ya dithoto.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.