Kelebogile Kgetse o buisana le Motlatsa-President wa mokgatlho o o dirang ka Nuclear - Nuclear Industry Association of South Africa - NIASA, Gaopalelwe Santswere
Go re thusa go tlhaloganya kitsiso ya Tona wa motlakase - Kgosientsho Ramokgopa, ya gore go solofelwa fa mo dikgweding di le tharo tse di tlang, go tla itsisiwe ka dikgato tse di tla dirisiwang go fitlhelela setlamo se se maleba go aga di-plant tsa motlakase tse di tla dirisiwang go fetlha motlakase ka mokgwa wa nuclear. Seno ke jaaka ba lephata le le laolang merero ya energy, NERSA, ba dumelana le dintlha tse di mo lenaaneng la Intergrated Resource Plan, le le tlhagisang dikgato tsa go fitlhelela di-megawatt di le dikete di le pedi le makgolo a matlhano tsa motlakase wa nuclear. Ramokgopa a re go fitlhelela di-megawatt tseno go tlile go thusa thata go netefatsa gore baagi botlhe ba abelwa motlakase.