Go runtse mmudubudu kwa khempaseng e kgolo ya Wits University koo baithuti ba thulaneng le mapodisi le batlhankela ba setlamo sa poraefete sa tshireletso.
Mosireletsi wa setshaba yo o tswang mo maemong ano Thuli Madonsela a re motlhatlhami wa gagwe o tshwanetse go neelwa nako le sebaka sa go tsweletsa ditiro tsa gagwe.
SRC e ikaelela go kopana le mopresidente Jacob Zuma le tona ya matlotlo Pravin Gordhan go ba neela dipholo tsa dipatlisiso tsa bona tsa gore thuto e e sa duelelweng e ka fitlhelelwa jang.
Motlatsa Mochanselara wa Rhodes University kwa Grahamstown, Peter Clayton, a re botsamaisi bo tlhomile setlhopa se se tla rotloetsang puisano mo ntlheng ya go samagana le ditshupetso tsa FeesMustFall
Baemedi ba dikgotla kemedi tse di farologaneng tsa baithuti kwa di-univesiting, ba kgoreleditse kopano ya tshoganyetso gareng ga puso le banna le seabe ba thuto, e e ikaeletsweng go fedisa ditshupetso kwa di-uivesiting.
Mopresident Jacob Zuma o kgatlhanong le boikuelo ba go tswalwa ga di-universiti, ka maitlhomo a go laola tiriso dikgoka le go tshosetsa...
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.