Mopresidente Jacob Zuma o sa tswa go tsena mo seraleng go bula semmuso kopano ya tshoganyetso, gareng ga puso le banna le seabe ba thuto kwa Emperors Palace kwa Kempton Park kwa Johannesburg.
Lekoko la makomonisi SACP mo no North West, la re boto ya ga jaana ya SABC le tona ya lefapha la ditlhaeletsano, ba latlhegetswe ke taolo ya koporasi kgaso eno gotlhelele...
Khonferese ya CITES e e tseneng kwa Sandton kwa bokone Johannesburg, e tlile voutela morero wa go ema nokeng kgotsa go nna kgatlhanong le go rekisiwa ga dinaka tsa ditshukudo.
Moeteledipele wa DA Mmusi MAimane o tlile go etelelapele mogwanto go ya kwa dikantorong kgolo tsa SABC kwa Auckland Park kwa Johannesburg ka moso, malebana le go gapeletsa mookamedi wa Corporate Affairs Hlaudi Motsoeneng go leboga tiro.
Lefapha la thuto kwa Mpumalanga le romela bauithuti ba le lekgolo kwa Russia go tsweletsa dithuto tsa bona.
4 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.