Makoko kganetso mangwe a tlile go kopana le batlatsa bachanselara ba diyunivesiti maitseboa ano, ka maiteko a go rarabolola morero wa tuelo kwa ditheong tsa thuto e kgolwane.
Kantoro ya mopresidente ya re mopresidente Jacob Zuma o amogetse tshwetso ya kokoano bosetshaba e e atlanegisang gore moitseanape wa merero ya tshireletso ya naga Busisiwe Mkhwebane, a thapiwe mo maemong a mosireletsi wa setshaba.
Psychological Society of South Africa e ikaelela go ikuela kgatlhanong le tshwetso ya kgotlatshekelo-kgolo kgatlhanong le moipobodi yo o tlhoileng batho ba ba ratanang le batho ba bong bo bo tshwanang le ba bona Jon Qwelane..
Mopresidente Jacob Zuma o eleleditse bagolo bokhutlo ba beke bo bo itumedisang jaaka ba keteka letsatsi la bosetshaba la bagolo gompieno, mme ka moso go tlabo go ketekwa la batsofe.
Tona ya lefapha la merero ya selegae Malusi Gigaba a re baagi ba kwa Lesotho ba nale go fitlha ka Sedimonthole go ka lolamisa go nna ga bona mo Afrika Borwa kgotsa ba lebanwe ke go busediwa gae.
Tona ya lefapha la mapodisi Nathi Nhleko a re thulaganyo ya go reba tiriso dikgoka le tshenyo ya dithoto ka nako ya ditshupetso tsa baithuti, e tsweletse go diragadiwa...
Kantoro ya mopresidente Jacob Zuma ya re e amogetse tshweetso ya palamente e e atlenegisang go thapiwa ga moitseanape wa merero ya tshireletso ya puso Busisiwe Mkhwebane, go ka kokmala maemo a mosireletsi wa setshaba.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.