Seme segolo sa ANC kwa palamenteng Jackson Mthembu a re boto ya SABC e tshwanetse go itlhalosa gore e thapile jang motlhankela mogolo wa yona wa pele wa tsamaiso mo maemong a Group Executive for Coporate Affairs.
Ditshwaelo tsa ga Mthembu di tla morago ga gore kgotlhatshekelo kgolo ya boikuelo e tshegetse katlholo ya kgotlhatshekelo kgolo, ya gore go thapiwa ga ga Hlaudi Motsoeneng jaaka COO go kgapelwe thoko.