Kgotlatshekelo kgolo kwa Pta e kgapetse thoko kopo e potlakileng ya mokgatlo wa ditshwanelo tsa baagi Afriforum ya go thibela Eskom go kgaola motlakase mo Bomasepaleng ba ba sa dueleng sekoloto sa bona.
Go tlhalositswe gore Rifleman wa sesole sa Afrika Borwa Sandf Moalosi Mokhothu wa kwa Botshabelo kwa botlhaba ba Free State o ne a le leloko le le boineelo la setlhopa sa Paratrooper.
Tiro e tsweletse malebana le go baakanya tshenyo e bakilweng ke merwalela ya beke eno go ralala teropo ya Heidelburg le motse-seteropo wa Ratanda kwa botlhaba ba Jhb.
Kgotlatshekelo kgolo kwa Pta e beetse thoko katlholo mo kopong e potlakileng ya mokgatlo wa ditshwanelo tsa baagi Afriforum ya go thibela Eskom go kgaola motlakase mo boMasepaleng segolothata kwa Free State.
Babueledi ba Mokatisi yo kobilweng wa Bafana Bafana Shakes Mashaba ba re ba kwaletse mokgatlo wa Kgwele ya dinao Safa ba o bolelela gore o busetse mmuelelwa wa bona mo tirong.
Mopresidente Jacob Zuma o tlile go kopana le baemedi go tswa mo maphateng otlhe a puso, tebang le go buisanela merero e e ka ga dikgolagano tsa bodichabachaba...
Go tlile go tsepamisiwa mogopolo mo meletlong ya dingwaga di le kgolo le botlhano lekoko la ANC le tlhamilwe kwa stadiamong sa Orlando kwa Soweto mo bokhutlong ba beke.
6 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.