Gompieno Mokgatlho o etsengtlhoko dikgweebo wa Afri-business o tlile go dira kopo ya lekwalo le le thibelang maano a Eskom a go kgaola motlakase mo boMasepaleng ba le mmalwa ba ba kolotang setlamo seno sa motlakase.
Tona kgolo ya Free State Ace Magashule o kgadile ka bogale ba ba ikuelang gore mopresidente Jacob Zuma a leboge tiro, mme a re e nne bone ba ba lebogang tiro.
Moeteledipele wa DA Mmusi Maimane o kgadile go nna le seabe ga mopresidente Jacob Zuma kwa moletlong wa go keteka dingwaga di le some a mabedi fa e sale molaotheo o atlanegisitswe semmuso.
Lephata la botlhodi kwa Amerika le ditheo tsa molao go begwa di fitlhetse fa Russia a nnile le seabe mo dipholong tsa ditlhopo tsa bopresidente kwa Amerika, malebana le go thusa Donald Trump go fenya kgaratlho ya go nna presidenet wa naga eo.
University of Cape Town e solofetswe go vouta mabapi le tuelo ya dithuto ngwaga o o tlang morago ga gore diyunivesiti di le mmalwa di inyalanye le Wits ka go itsisi motlhatlhoso wa dipersente di le robedi.
Presidente wa federeishene ya mekgatlho ya badiri COSATU Sdumo Dlamini o ikuetse go ANC go bontsha boeteledipele le go kitlanya semphato.
5 min
About SABC North West
From the publisher's feed
Sabc News North West provides a platform that extends news coverage beyond television and radio. It adds to the presence of the SABC News brand on digital platforms to be on par with the rest of the…
world. The news are generated SABC journalists in the North West province but is not limited to the province. Our footprint spreads across several provinces and our stories reflect as such.